BUDGET SPEECH (TSWANA).pdf
-
Upload
khangminh22 -
Category
Documents
-
view
0 -
download
0
Transcript of BUDGET SPEECH (TSWANA).pdf
MEC O.R Mochware
VISIONA united, non-racial, non-sexist, democratic and prosperous province of Bokone Bophirima as expressed in the Constitution of the Republic of South Africa and National Development Plan.
MISSIONTo enhance job creation by preserving, protecting and developing arts, culture, heritage and the institution of traditional leadership to Rebrand, Reposition and Renew the Province of Bokone Bophirima through the five concretes.
1
Puo ya Tekanyetsokabo 2017
Lefapha la Setso, Botsweretshi le Merero ya Segosi
Puo ya Tekanyetsokabo 2017
Motlotlegi Mmusakgotla Mme Susan Dantjie
Tonakgolo Obakeng Ramoeletsi Mahumapelo,
Maloko a khuduthamaga a tlotlegang,
Batlotlegi, Maloko a Kgotlapeo Molao,
Dikgosi tsa rona tse di tlotlegang,
Executive Mayors, Mayors, Speakers and Councillors,
Baduladitilo le batsamaisi ba ditheo tsa puso,
Borre le bomme ba dikgwebo,
Bataki le Badiragatsi,
Balwela kgololesego,
Baeng botlhe ba tlotlego,
Baagi ba Bokone Bophirima
2
Motlotlegi Mmusakgotla, ke rata go tsaya tšhono e go isa matshediso go badiri ba
rona ba le bane le baagi ba rona ba le bane bao ba latlhegetsweng ke matshelo ba
le mo tirong 16 Mopitlwe 2017. Re rapelela malapa a bona le go eleletsa bao ba
santseng ba le kwa sepetlele pholo.
Maloko a tlotlegang, ga go belaetse gore ngwaga wa 2017 ke paka e e mo hisitoring
ya motho e e sa lebalegeng jaaka keteko segopotso sa mongwe wa bagaka ba
kgaratlhlokgololosego, e leng Rre O.R Tambo e utlwalang go kgabaganya melelwane
ya Afrika. Moeteledipele le mogaka mo kgaratlhelong kgololosego wa naga ya rona.
O itsiwe e le mokopanyi, morarabolola mathata, boitshoko, phisego le moeteledipele
yo o seng boikgopoledi. Jaaka re gopola botshelo le dinako tsa lesole le le seng
boikgopoledi le, ke kopa Batlotlegi ba Ntlo e le Baagi ba Bokone Bophirima go dira
jaaka a ne a dira le go supa boleng jotlhe jo ka maiteko a go aga seša, retolola le go
Ntšhafatsa Bokone Bophirima (RRR).
Motlotlegi Mmusakgotla, ka keteko ya OR Tambo Centenary ya Bosetṧhaba, Lefapha
le tla be le tshwere meletlo e farologaneng, jaaka dikgaisano tsa mmino wa
dikhwaere le meletlo, kgaisano ya dikganetsano, dipuo tsa segopotso le puisano le
baagi. Go beilwe kwa thoko tshelete e bokana ka R1.7 milione ya meletlo e.
Motlotlegi Mmusakgotla, ntetlelele go tlhagisa tekanyetsokabo ya 2017/18 jaana,
eleng koketso ya bokana ka 1,06% fa go bapisiwa le ya ngwaga e e fetileng.
Tekanyetsokabo e abetswe manaane a le mane a lefapha e leng:
Bolaodi le Tsamaiso : R104, 089 millione
Merero ya setso : R264, 869 millione
Dilaeborari le Ditirelo tsa Diakhaefe : R201, 771 millione
Merero ya segosi : R140, 711 milione
Gotlhe : R711, 440 milione
Tekanyetsokabo e ikaelela go fetola mabapi le ekonomi-loago e lebaganeng baagi ba
porofense.
3
1. BOLAODI LE TSAMAISO – R104, 089 millione
Mmusakgotla, go bopaki jo bo bonalang gore setlhopha se se itekanetseng se ka
thusa go tokafatsa tiragatso e ka nna ya sebele kgotsa mokgatlho.
Lefapha le dirisetse mananeo a boitekanelo a a farologaneng a go tlhatlhoba
badiri.
Mafapha a tshwaraganeng le nngwe ya letsholo le le kgakotsweng ke Tonakgolo,
Lefapha le ne le tshwere Letsholotemoso la Bokete jwa mmele le lona le ne la
dirwa mo moonong wa, “Measure up – Maintain Health Waistline”.
Go tla tswelelwa ka go tshwarwa matsholo a boitekanelo kotare le kotare.
Mo ngwageng e e fetileng, dikgetse di le 13 tsa tlhokomaitsholo di begile mme
61% tsa tsona di weditswe.Tse di setseng tse tlhano (5) di tlaa konesediwa mo
ngwageng e ntšha ya ditšhelete. Mo tsamaong ya ngwaga, tshekatsheko ya
badiri botlhe ba ba mo maemong a 2-12 ba ne ba katisediwa mo mefameng e e
farologaneng ya tsa badiri go akaretsa le taolo ya dikgotlhang. Katiso e , e supile
go nna e e mosola ka e thusitse go fokotsa palo ya dikgetse tsa tlhokamaitsholo
mo lefapheng.
Mmusakgotla, botlhokatiro le tlhaelo ya bokgoni di sala go nna kgwetlho jaaka re
batla go fitlhelela loago lo lo tsweletseng pele. Ka moono wa Kgogommogo,
Saamtrek-Saamwerk re dirisana le:
- Culture, Art, Tourism, Hospitality and Sport Sector Education and
Training Authority (CATHSSETA) mme baikatisetsatiro ba le robedi ba
feditse lenaane la bona ka Mopitlwe 2017.
- Baikatisetsatiro ba le somepedi ba feditse lenaane la bona le Public
Service Education and Training Authority (PSETA).
4
- Fa go tliwa mo ditheong tsa di thutokatiso tsa TVET, baikatisetsatiro ba le
somerobedi ba tlaa konosetsa lenaane la bona.
Motlotlegi Mmusakgotla, go konosetsa go bakanyagape popegotheo ya lefapha e
simolotseng ka 2014, Lenaneo: Boitapoloso le isitswe kwa Lefapheng la Thuto le
Tlhabololo ya Metshameko go tswa ka ngwaga wa ditṧhelete wa 2017/18.
Motlotlegi Mmusakgotla, Lefapha le tlhokometse kgoeletso ya ga Tonakgolo go
fokotsa dikgetse tsa molao mo Lefapheng. Ka ga se, lefapha le nnile le dikgetse
di le tlhano (05) mo ngwageng ya ditšhelete ya 2016/17 go ya go R47,954
milione. Gajaana re kgonne go rarabolola ka katlego dikgetse di le pedi (02) ka
tumalano e e kwa ntle ga kgotlatshekelo. Se se boloketse Lefapha madi a
bokana ka R36,500 milione. Tse di setseng di le tharo (03) di tlaa rarabololwa
mo ngwageng ya ditšhelete ya 2017/18.
Mo tsibogelong ya phetogo e e tseneletseng ya loago le ikonomi, re lekanyeditse
le go baakanya taolo ya rona ya ka mo gare ya madi go lepalepana le
ditsholofelo tsa setlamo tse di leng kwa setlhoeng sa tlhabololo ya ikonomi.Mo
go se, re tokafaditse mokgwa wa rona wa go duela mo malatsing a le 30. Go
tswa go ditshupa tlhotlhwa topong di le 5880 tse di amogetsweng mo
ngwageng wa ditšhelete, di le 5696 di duetswe mo malatsing a le 30 se se
supang ikobelomolao ya 96%. Magareng ga Lefapha le Mmabana 57.4% ya
tekanyetsokabo ya tsone ya dithoto le ditirelo di dirisitsweng mo VTSD: (CATA
77.9% le MACSF: 15%).
Motlotlegi Mmusakgotla, re tswelela go itlama go dira mo tsamaisong e e
lolameng le taolo ya ditšhelete. Lefapha mo ngwageng tse tharo tse di fetileng
ka tatelano, e leng 2013/14, 2014/15 le 2015/16 le fitlheletse boruni jo bo
siameng. Re dirile ka natla go netefatsa fa re lemoga boruni jo bo siameng ka
ngwaga wa ditšhelete wa 2016/17.
5
2. TSA MERERO YA SETSO – R264,869m
Mmusakgotla, Lefapha le itsetsepetse mo tshomarelong, tshireletsong le
tlhabololong ya Botsweretshi, Setso le Ngwaoboswa ka maikaelelo a go
Tshwaosešwa, Thetololo le Ntšhafatso (RRR) ya profense ya Bokone
Bophirima.Setso ke nngwe ya dikarolwana tsa ikonomi mo Profenseng. Gore re
tle re kgone go fitlhelela kgolo e e tseneletseng ya tlhabololo ya ikonomi-
selegae, ka katlego lefapha le tshwere diprojeke di le tharo tse di kwa setlhoeng
e leng Matlhaku a maloba, Taung Cultural Calabash le Mahika-Mahikeng.
Lenaneo la Matlhaku e thankgolotswe kwa Hartebeespoortdam ka ka di 24
Diphalane 2016 e le karolo ya maikarabelo a rona go tswala mokhino wa
tatelano ya losika.Kokoano e, e ne e tsenetsweng ke Bahumagadi le ke
baitseanape ba setso jaaka Mme Grace Masuku, gape e ne e ikaeletse go
refosana tshedimosetso ya setso le setṧhaba. Kgolagano e e tsenetswe ke batho
ba ka nna 1017. Lenaneo le le, le tla tswelela le ka ngwaga o moša wa
ditšhelete go tswelela go tlisa kitlano, momagano le go arologanya kitso, jaaka
re itse gore “letlhaku le lešwa le agelelwa mo go le legologolo”.Motse
mongwe le mongwe o tla tlhagisa matlhaku a maloba (an eminent persons) a o
a maswa a tla agelwang mo one.
Go dirisitswe bokana ka R4.7 millione go tshwara Taung Cultural Calabash e ne
ya tlholwa ditiro di le 430; R3,5m e dirisitswe mo dithotong le mo ditirelo go
tswa mo VTSD. Go dirisitswe R1,9 milione mo badiragatsing mme R555 000.00 e
duetswe badiragatsi ba ba golang go tswa mo dikgaolong di le nne.
Ka 2017, go tlaa tsepamelwa thata gape mo rotloetseng Kgotla jaaka legare la
boswa le ngwao. Re tlile go diragatsa dipontsho le tsa seralo kwa kgotleng ya
Batlhaping Ba ga Phuduhucwana. Ke koo re tlileng go keteka tsa segosi, merafe,
ngwao le kitso ya setso teng mo ngwageng ono.
Bagaetsho, kgolagano ya puso le setṧhaba e kgontswa ke go itse boleng jwa
setso le botho. Seno ke maikarabelo a lefapha go ruta, go gakolola le go fa
6
baagi ditlamelo le kitso ka tsa botshelo. Batsaya karolo ba tla lalediwa ka
dialemowa le dikuranta go tsaya karolo mo Moletlong wa Setso.
Lefapha le dirisitse bokana ka R16,7 milione mo moletlong wa Mahika-Mahikeng
go tlhodile ditiro di le 4200; R8,2 milione e dirisitswe go banela ditirelo ba ba
mo gae. Go dirisitswe R4,4 milione mo badiragatsing mo R60,000 e ne e
dirisitswe mo modiragatsing wa boditṧhaba wa ko Botswana R1,8 milione mo
badiragatsing ba mo nageng mme R2,4 milione e dirisitswe mo badiragatsing ba
mo gae.
Setheo sa Mmabana sa Botsweretshi, Setso le Metshameko
Mmusakgotla mo netefatsong ya botsitso le mo go tsamaiseng le go tshegetseng
phetolo ya setheo se, Lefapha le thapile Ngaka Otsile Ntsoane jaaka
Mokhuduthamaga Mogolo wa Setheo sa Mmabana sa Botsweretshi, Setso le
Metshameko go tloga ka 08 Mopitlwe 2017. Go thapilwe Boto ya Bakaedi
morago ga gore paka ya boto ya pele e khutlhe ka Lwetse 2016. Bokana ka
R97 695m e tlaa fetisetswa kwa Mmabana e le ya tsamaiso le manaane.
Mmabana e tsweletse go siamisa tsa tsamaiso,boikarabelo jwa badiri mo tirong,
diphetogo tsa tsamaiso le merero ya tlhabololo ya tsa botaki,metshameko le
setso. Seno se tla re kgontsha go tlisa diphetogo tse di maleba mo matshelong a
baagi.
Motlotlegi Mmusakgotla, phetogo ya ikonomi le loago e tseneletseng e
tshwanetse go tlhama tikologo e maleba. Baamogeladitshiamelo ba tla gola mo
go tsa diintaseteri le go natlafatsa ikonomi ya bantsho ka go bona tṧhono mo go
tsa kgwebo. Maikarabelo a rona, mo Tsamaisong ya Botlhano ke go fetola loago
mo baagi e tla nnang bang ba go dira dikumo. Batho ba rona baka tlhoma
dikgwebo mo ba nnang teng. Phetogo ya ikonomiloago e tseneletseng e ka
nna ya kaiwa ka bokao jo bo farologaneng mme lekoko le le busang le raya go
7
dira dilo le batho ba rona, dilo tse di tla fetola dingwaga di le dintsi bantsho ba
ne ba tlhotlhololwa mo ditṧhonong tsa kgolo ya ikonomi.
Mananeo le dikarolo tse di latelang di tla fitlhelela kgolo jwa tsa intaseteri ya
setso gape e tlaa nna ntlhakgolo go ka fetola botsweretshi le setso go
etelelapele ikonomi. Ka thuso ya Mmabana, makalana a a latelang a bodirelo a
simolotswe:
- Bodirelo jwa tsa mmino jo bo tlaa rotloetsang le go godisa mafaphana a
mmino mo Bokone Bophirima e leng Motswako le mmino wa setso wa
Setswana. Re ikaelela go oketsa matlole le ditiragatso mo ngwageng o wa
2017/18.
- Bodirelo jwa tsa bokgoni jwa diatla jo bo tlaa tsepamang mo phokotsong
ya lotsenokabelo mo dikunong tsa bojanala, bodirelo jwa tsa mokgabo le
didiriswa tsa legae. Setheo sa Bokone Bophirima sa bokgoni jwa tsa diatla le
botshwantshi mmogo le badiri ba tsa diatla ka go farologana se tlaa tsaya
karolo e kgolo go lemogeng ikonomi ya tsa botaki.
- Bodirelo jwa tsa difilimi: Profense e na le mafelo a bogatisetsi a a maemo
a lefapha le ikaelelang go a fetolela go nna mafelo a botaki a a boikonomi. Re
tlaa netefatsa fa manaane a VTSD a ungwelwa go tswa go thelebišene,
botlhagisi jwa video le difilimi. Mo ngwageng e ya ditšhelete, lefapha le tlaa
tlhoma setlhopha sa tiro go gakolola khomišini ya difilimi le kantoro.
- Bodirelo jwa tsa bokgoni jwa tsa botsweretsi bo tlaa rotloetsa kgwebo
ya tsa matsela le mokgabo. Mmusakgotla, re ipela re le profense ka bataki ba
ba momefameng ya botswaretshi jwa tsa bokgabo le tse di tshwantshiwang.
Ka sethoe se tshwana le se, re ka dira diaparo tsa dikolo, tsa tshireletso, tsa
metshameko le mefuta mengwe ya tsa matsela.
8
Gore re kgone go fitlhelela dipoelo tse di namatshang, lefapha le tlaa dirisana le
Khansele ya Setšhaba ya tsa Botsweretshi, Mzanzi Golden Economi le baetleetsi
le baborogi ba ba farologaneng
Mmabana e tle e tsepama mo tsamaisong ya go bona gore ikwadiso e e maleba
e a dirwa mo manaaneng a le go aba madi.
Mmusakgotla, tsamaiso ya go fetola maina a a tlhapatsang mo profenseng e
tsweletse ka kgagamalo. Re dirisana le Mebasepala, ba Segosi ga mmogo le
mefama ya baagi. Komiti e, e tshwere dikopano le baagi go fitlhelela tsweletso
ya tiro ya yona. Mo ngwageng o fetileng, komiti e fetotse maina a latelang:
- Klipan go Kgangkgang ko Barolong Ba GaMolefe (Ratlou Local municipality);
- Nooitgedacht go Lokotsi ko Barolong Ba GaMolefe;
- Heefers Lust go Mararampe ko Barolong Ba GaMolefe
Lefapha le beetse thoko R1,2 millione mo ngwageng e ya ditšhelete ya 2017/18.
Ka thuso ya Provincial Language Committee, Lefapha le rotloetsa le go somarela
dipuo tsa semmuso tsa botlhokwa tsa Profense. Mo ngwageng ya ditšhelete ya
2016/17, komiti e ekaegile mo ditirong di le dintsi jaaka: Letsatsi la Boditšhaba
la Loleme lwa ga Mme le Mogwanto Tidimalo go rotloetsa Puo ya Diatla,
Tlhatlhelelo ya Segopotso sa Sol Plaatje le tse dingwe. Le fapha le beets thoko
R1,2 millione mo ngwageng e ya ditšhelete.
Provincial Heritage Resources Agency e rwele maikarabelo a go boloka le go
tlhabolola ditheo tsa ngwaoboswa. Ke ka ntlha ya tirisanommogo ya rona le
komiti e gore Lefapha la bo le kgonne go supa le go tlhabolola lenaane la ditheo
tsa ngwaoboswa mo profenseng, mme R1,2 millione e beetswe thoko go dira
ditiro tsa komiti e mo ngwageng e ya ditšhelete.
9
Ka 2016/17, lefapha le tshegeditse ka matlole ditlhopha di le 09 tsa badiragatsi
ba le 120 go ya go diragatsa kwa Grahamstown National Festival go ya go
bokana ka R870,000.00.
Re fetiseditse tshegetso ya rona go ditheong tsa baagi tsa botshweretshi le
setso, di le 7 tse di ikwadisitseng jaaka dikoporasi kwa Makwasi Hills. Ka
tshegetso ya Lefapha ditikatikwe di le tharo (3) tsa Botsweretshi le Setso di
amogetse matlole a bokana ka R2,690m go tswa kwa Lefapheng la
Botsweretshi le Setso la Bosetṧhaba go diragatsa mananeo a bone le go
ntshwafatsa dikago. Mo godimo ga moo, di Workshop di le 4 tsa go bona
matlole di ne tsa tshwarwa mme batshweretshi ba le 328 ba ne ba rupelelwa mo
manaaneng a itshimololelokgwebo. “
“Korwe ga keje ke bapalela tsetse”
Lefapha gape le thusitse ba ba latelang ka matlole:
- Maya Phele go tswa kwa Danville, yo o fentseng mo kgaisanong ya tantshe
kwa Los Angeles,
- Tahirah Zungu wa Mahikeng, o neng a ya go gaisana kwa Turkey mme a tswa
mofenyi mo Kgaisanong ya Mmabontle ya Mohumagatsana yo Monnye wa
Lefatshe,
- Tshepiso Khumalo, go tswa kwa Setumo Park kwa Mahikeng o fentse mo Mr
Heritage International (Rangwaoboswa wa Boditṧhabatṧhaba) le
- Bontle Modise, Mohumagatsana wa Grand SA le ene o ne a fiwa kabo ya go
gaisana kwa Heritage Ambassadorial Pageants kwa Sri Lanka.
“Tell no lies, claim no easy victories,” said Amilcar Cabral.
Ka kotare ya ntlha ya 2017, Lefapha le tlile go tshwara Lekgotla la
Botsweretshi,Setso le Ngwaoboswa ka maikemisetso a gore badiragatsi ba
buisane le ditheo tse di abelanang ka matlole, banei ba ba ka nnang teng le
bareki ba dikuno le ditirelo.
10
Motlotlegi Mmusakgotla, Porofense jaaka e aga seṧwa, e baya sentle le go
ntshwafatsa e bile e ikaelela go fetola ikonomiloago ka potlako, re rata le go le
itsise gore CATA Bokone Bophirima e tla tshwara Dikabelo tsa Naga mo
dingwageng tse tharo tse di latelang. Ditumelano di dirilwe le Recording Industry
of South Africa le Mageza Heritage Foundation NPC gore Porofense e tshware
Dikabo tsa Mmino wa Aferika Borwa (SAMA), tse di tla tshwarwang go tswa ka
26 – 27 Motsheganong 2017 kwa Sun City le Dikabo tsa Phitlhelelo ya Mmino wa
Setso (SATMA) tse di tla tshwarwang ka 30 Lwetse 2017 mo Mahikeng.
Ditumelano tse, di tla ngoka Bojanala mo Porofenseng mme le go tsibogela
setso le go tsenya lotseno mme re ntse re etse tlhoko mefama e le metlhano ya
porofense. Go latela Dikabo tsa Filimi le Thelebiṧene ya Aferika Borwa (SAFTAs)
tse di neng di tshwerwe kwa Sun City ka Mopitlwe 2017, lefapha le tla tsena mo
tumalanong le National Film and Video Foundation gore Lefapha le tshware
Dikabo mo dingwageng tse 3 tse di tlang.
Motlotlegi Mmusakgotla, go tsweletsa Saamtrek-Saamwerk, Lefapha le dirisana
le SABC: go kgakotswe phaposikgasetso ya VTSD kwa SABC – Mahikeng ka
Tlhakole 2017. Phaposikgasetso e e tla tlamelwa ka dikgato mo pakeng ya
MTEF. Go beetswe kwa thoko bok ana ka R4 milione mo ngwageng wa ditṧhelete
wa 20117/18 go tlamela dikago tse badiragatsi ba tla ikatisang teng le go letla
badiragatsi go gatisa ditalente tsa bone tse di farologaneng.
Dikago tse di kwa Rustenburg Recreation Centre, Mmabana Taung le Klein
Marico di fetotswe go nna diphaposikgasetso tsa go gatisa. Dikago tse, di tla dira
ka botlalo ka 2017/18. Go bonwe dikago tse dingwe di le nne go ralala dikgaolo
tse nne tsa porofense mme go beilwe R2 milione go tlhabololo dikago tse.
Motlotlegi Mmusakgotla, go beilwe R2 milione kwa thoko ya go aga cultural
villages. Porojeke e,e tshegetswa ke lefapha. Cultural village e tla nna mo
ditiragalong tsa botsweretshi le setso di tla diragalang teng, mo betlwang teng le
mo go nang le ditshupetso tsa botaki le mo ithutiwang setso le mo badiragatsi
batla supang talente ya bone teng. Go beilwe R800,000.00 go aga cultural
village kwa Tamong ya Lotlamoreng.
11
Porofense ya Bokone Bophirima le Lefapha la Bosetṧhaba la Botsweretshi le
Setso le thapile baṧwa ba le 38 (Young Patriots), go godisa mowa wa
bosetṧhaba mo setṧhabeng. Nngwe ya tiro ya bone ke go anamisa, difolaga le
dikanomo ditheong tse di farologaneng tsa mmuso (go simolola kwa sekolong)
go lemosa batho ka hisetori le setso sa mafelo a ba leng mo go one.
Lefapha le tlile go keteka malatsi a bosetṧhaba (naga) a a latelang: 25
Motsheganong: Letsatsi la Aferika kwa Vryburg Sports Ground kwa Naledi
Municipality; Letsatsi La Ngwaoboswa (Heritage): 25 Lwetse kwa Mabeskraal
Moses Kotane Municipality, 16 Sedimonthole: Letsatsi la Poelano (Reconciliation)
kwa Makgola Ramotshere Moiloa Municipality.
Mmusakgotla, tselaboswa ya Kgololesego e kgakotswe ka 2015 kwa Lobatla.
Tlhabololo ya tselaboswa ya Kgololesego e tla tlhabolola, somarela le go
tlotlomatsa hisetori ya selegae mo bagaka ba kgaratlho ba dirile tiro e e
botlhokwa ya go lwantsha kgethololo mo Aferika Borwa.
Go sirolotswe sefikantswe sa ga Malome J.B.Marks kwa Tshing ka 25 Mopitlwe
2017. Lefapha le tla tswelela go tlotlomatsa ba ba lwetseng tshiamo le
kgololesego mo nageng ya rona.
Mo ngwageng wa ditṧhelete wa gajaana, Lefapha le tla aga lobota la
kgakologelo la boswakgololesego kwa Mokgola. Se, ke go gopola bagaka ba
kgaratlho ba ba fetileng mo Zeerust gotshela melelwane. Tonakgolo o kgakotse
lefelo le Jacob Zuma a neng a gapiwa teng ka 16 Sedimonthole 2016, mme le tla
sirololwe kwa Groot Marico ka Seetebosigo 2017. Lefelo le tla ungwela Groot
Marico ka go tlisa bajanala, tshono ya dibasari tsa Bojanala le go nna mokaela
mojanala go baithuti ba ba tswang mo lifelong leo. Re tla aga legae la setso le le
nang le lebaka le go tla besiwang diphaphatha mo go lone.
Difikantswe tsa segopotso tsa bagaka ba kgaratlho tse dikgaolo di reletsweng ka
bone di tla agiwa mo dikgaolong tse di farologaneng. Sefikantswe saga Moses
12
Kotane sa boronse se tla sirilolwa ka Mopiltlwe 2018 go keteka kgwedi ya
ditshwanelo tsa batho.
Dimusiamo di dira tiro e botlhokwa mo bojanaleng, thuto, tshomarelo ya hisetori
le setso; mme Musiamo wa Mahikeng o ntshwafaditswe mo bogautshwaneng.
Lefapha le kokoantswe palo ya dimusiamo tsa botlhe tsa Porofense mme
palogotlhe ya dimusiamo ke 11 eleng:
- Musiamo wa Mahikeng kwa Mahikeng,
- Herman Charkles Bosman Living kwa Groot Marico,
- Musiamo wa Setso wa Lichtenburg;
- Musiamo wa Temothuo wa Lichtenburg,
- Musiamo wa Kraaipan,
- Musiamo wa Naledi kwa Vryburg,
- Musiamo wa Ikageng kwa Seolong,
- Musiamo wa Setso wa Mphebatho kwa Moruleng,
- Musiamo wa Potchefstroom,
- Musiamo wa Dipalanngwa wa Klerksdorp le wa Setso wa Klerksdorp kwa
teropng ya Matlosana.
Lefapha le beile R2.8 milione go tshegetsa dimusiamo mo ngwageng wa
ditṧhelete 2017/18.Ka tshegetso e, dimusiamo di kgona go dira di patlisiso,
ditshupetso, mananeo a thuto go fitlhelela setṧhaba.
3. DITIRELO TSA LAEBORARI LE AKHAEFE- R201,771 million.
Motlotlegi Mmusakgotla, ka mowa wa Saamtrek-Saamwerk mo 2016/17 Lefapha
le ne la dumalana le Laeborari ya Bosetṧhaba la Aferika Borwa go diragatsa
porojeke ya Mzansi Libraries Online e simolotsweng go tokafatsa phitlhelelo ya
tshedimosetso ka go dirisa thekenoloji. Ka 2017/18 dilaeborari tsa setṧhaba di le
lekgolo (100) di tla amogela dikhomphuthara, dithabolete gape le ditlamelo tsa
metshameko.
Ka 2016/17 dilaeborari di le robedi (8) mo mafelong a VTSD di agilwe le go
ntshwfatswa ga baka koketsego ya dilaeborari di le kgolosomenne
13
(114).Dilaeborari di le robedi (8) di kwa Lethabong, Tlokweng, Gannalaagte,
Tlakgameng, Ipelegeng, Lomanyaneng, Khunwana le Papi Ntjana.
Dilaeborari tse, di nale di fenitṧhara, dibuka ditshamekiso, dithusi, di
khophuthara le ditlamaganyo tse di thusang Batho ba ba nang le Bogole jwa go
sa bone. Dilaeborari tsotlhe tsa setṧhaba mo porofenseng di nale mafaratlhatlha
le ditlamelo tsa Thekenoloji ya Tlhaeletsano ya Tshedimosetso (ICT) e letlang
setṧhaba go fitlhelela inthanete mme gajaana dilaeborari di le 36 di setse di
tlametswe ka WI-FI, Re tlile go dira mmogo le IT ya Porofense go tokafatsa
kgolaganyo ya ICT le go netefatsa gore go nale phitlhelelo ya inthanete e
tshepegang mo dilaeboraring tsa setṧhaba.
Go beetswe kwa thoko R36, 2m go aga dilaeborari kwa Tshing; Stella, Reagile,
Tsetse le Redirile mo ngwageng ono wa ditṧhelete. Tekanyetso e abetsweng go
aga e akaretsa gape go rulaganya dilaeborari tse dintṧhwa kwa Tswelelang,
Lethabong, Southy le Dinokana. Mmusakgotla, diporojeke tse, di tla tlamela
morafe ka ditiro fa go agiwa dilaeborari. Dilaeborari tse di butsweng di thapile
batho ba le batlhano (5) laeborari nngwe le nngwe go akarediwa Ramabuka,
bathusi baramabuka ba le babedi (2), mophephafatsi le molemi tshimo.
Maloko a Tlotlegang, re ne re tshwere khonferense ya Mokgatlho wa Baakhaefe
ba Aferika Borwa (SASA) wa ngwaga le ngwag go tswa ka 6 – 8 Phukwi 2016.
Khonferense e kgonne go godisa diakhaefe le direkoto jaaka karolo ya boswa
tshedimosetso ya porofense. Re tlile go kwala hisetori ya molomo le ditso tsa
bothati jwa setso mo porofenseng.Hisetori e kwadilweng gape e tla nna teng mo
dilaeboring tsa baagi gore baṧwa ba fitlhelele tshedimosetso ka motlhofo e bile
ba ithute le go itse ka hisetori ya bone. “Mpotse tsa kwa ke tswang, tsa
kwa ke yang ga ke di etse”
14
4. MERERO YA SEGOSI – R140,711m
Maloko a Tlotlegang, setheo sa Boeteledipele Ba Setso se botlhokwa mo
Porofenseng go fitlhelela mananeo a kago ya setṧhaba, kitlano le phetogo ya
ikonomi e tseneletseng. Seabe sa boeteledipele ba setso ba se dirang go
tokafatsa ikonomi ya Porofense le go aga setṧhaba se se kitlaneng ga go kitla go
itlhokomolosiwa. Therisano le Bogosi go diragatsa mananeo a mmuso go
botlhokwa.
Ntlo ya Bogosi ya Bokone Bophirima ya Baeteledipele ba Setso e butswe ka 24
Mopitlwe 2017.
Lefapha le dira ka thata go rarabolola D-Account. Mafapha a mabedi CATA le
Lefapha la Ditṧhelete gammogo le Moruni Kakaretso a dumalane go rarabolola
ntlha ya D-Account mmogo.
Ka 2016/17, Lefapha le tsholotse dikganetsano (dikgotlhang) tsa go tsena mo
bogosing le dikgetse di le (41). Re tswelela go amogela dikganetsano le ditopo
mme re beile mekgwa ya go rarabolola. Re rata go ikuela go malapa otlhe a
segosi go rarabolola dikganetsano (dikgotlang) kwa serubing pele ga puso e
tsena, jaaka dikgotlhang di thibela tswelelopele ebile di ja madi a mantsi.
Ka ngwaga wa ditṧhelete o fetileng, Dikgosi di le nne (4) le Dikgosana di le
nne (4) di amogetse disetifekeite tsa kamogelo mme Dikgosi di le pedi (2) ba ne
itsisiwe semmuso.
Dikantoro tsa Khansele ya Setso tsa Barolong Boo Tlou Le Tau Ba Ga Letlhogile
di butswe semmuso tsa neelwa morafe. Dikantoro tsa Bahwaduba di santse di
tlile go bulwa semmuso. Kago ya dikantoro tsa Khansele ya Setso tse di latelang
di simolotswe ka 2016/17 mme di tla konosetswa mo ngwageng ono wa
ditṧhelete:-
- Batlhaping Ba Ga Maidi – Manthe.
- Barolong Ba Ga Phoi – Motsitlane.
- Batlharo Ba Ga Masibi – Disaneng.
15
Motlotlegi Mmusakgotla, Lefapha ka ngwaga wa ditṧhelete ono 2017/2018 o
tlile go baakanya marulelo a dikantoro tsa setso kwa Batlhaping ba ga
Mankuroane, a sentsweng ke difefo.Molaotlhomo wa Merero ya Thupiso ya
Bokone Bophirima e tsentsweng mo Kaseteng ka 2016 o tla tsenngwa mo
molaong ka ngwaga wa ditṧhelete wa 2017/18
Molao o neetse mmuso wa porofense maikarabelo a go bona gore 40% ya
ditlhopho tsa karolo nngwe le nngwe ya khansele ya setso ya diragadiwa mme
60% ya karolo nngwe le nngwe ya Khansele ya Setso e tla tlhophiwa ke Kgosi
jaaka go kailwe mo molaong. Morago ga tlhamo ya matlo a Boeteledipele ba
Setso le Dikhansele tsa Setso maloko a maṧwa a tla tsenela boithutelotirong.
Mo ngwageng wa ditṧhelete wa gajaana, Dikgosi di le 54 di tla katisiwa mo ICT
le mo tsamaisong ya ditṧhelete.
Lefapha le tla tshegetsa dikhansele tsa setso ka go reka dirori go emisetsa tse e
saleng di rekiwa ka kgotsa pele ga 2010 le tse di seng mo maemong a siameng.
Go abilwe R10 m go reka dirori.
Go tla gagamadiwa taolo go netefatsa gore dirori tse di abilweng di dira go ya ka
mabaka a beilweng.
Mmusa Kgotla,ke ne gama kgomo mafisa,kana motsogapele o rile
“Montsamaisa bosigo ke mo leboga bosele”.Ke tsaya tshono e go leboga
Mokgatlo o o nthumileng pusong, “Nkwe nkgoga”, mokgatlo wa ga Oliver
Reginald Tambo le bagaka ba ntwa ya kgololesego botlhe , ANC e e eteletsweng
pele mo Bokone Bophirima ke senatla sa Tonakgolo SOR Mahumapelo, Ke
leboge Maaparankwe a re dirang kanatla mmogo, maloko a portfolio committee
ba ba ntseng ba re kotela ba re fatlhosa, boeteledipele jwa lefapha le badiri
baba dirang ka botswapelo.
Re ya leboga!!!!
Email: [email protected]